< Ϯ⳰ⲀⲠⲞⲔⲀⲖⲨⳘⲮⲒⲤ 13 >

1 ⲁ̅ ⲁⲩⲱ ⲁⲓⲁϩⲉⲣⲁⲧ ϩⲓϫⲙⲡϣⲱ ⲛⲑⲁⲗⲗⲁⲥⲥⲁ ⲁⲓⲛⲁⲩ ⲉⲩⲑⲩⲣⲓⲟⲛ ⲉϥⲛⲏⲩ ⲉϩⲣⲁⲓ ϩⲛⲑⲁⲗⲗⲁⲥⲥⲁ ⲉⲩⲛⲙⲏⲧ ⲛⲧⲁⲡ ⲙⲙⲟϥ ⲁⲩⲱ ⲥⲁϣϥⲉ ⲛⲁⲡⲉ ⲉⲣⲉⲙⲏⲧⲉ ⲛϭⲣⲏⲡⲉ ϩⲓϫⲛⲛⲉϥⲁⲡⲏⲩⲉ ⲉϥⲥⲏϩ ⲉϫⲛⲛⲉϥⲁⲡⲏⲩⲉ ⲛϭⲓⲟⲩⲣⲁⲛ ⲛϫⲓⲟⲩⲁ
Mme aanong mo ponatshegelong ya me, ka bona sebatana se se sa tlwaelesegang se tlhatloga mo lewatleng. Se ne se na le ditlhogo di supa le dinaka di le some, gape se na le dirwalo di le some mo dinakeng tsa sone. Mme mo tlhogong nngwe le nngwe go kwadilwe maina a tlhapatso, a kgoba ebile a nyenyefatsa Modimo.
2 ⲃ̅ ⲁⲩⲱ ⲡⲉⲑⲩⲣⲓⲟⲛ ⲛⲧⲁⲓⲛⲁⲩ ⲉⲣⲟϥ ⲉϥⲉⲓⲛⲉ ⲛⲟⲩⲡⲁⲣⲇⲁⲗⲓⲥ ⲉⲣⲉⲛⲉϥⲟⲩⲣⲏⲏⲧⲉ ⲟ ⲛⲑⲉ ⲛⲛⲁⲛⲉⲓⲁⲣⲝ ⲉⲣⲉⲣⲱϥ ⲟ ⲛⲑⲉ ⲛⲣⲱϥ ⲛⲟⲩⲙⲟⲩⲓ ⲁⲩⲱ ⲡⲉⲇⲣⲁⲕⲱⲛ ⲁϥϯ ⲛⲁϥ ⲛⲧⲉϥϭⲟⲙ ⲙⲛⲡⲉϥⲑⲣⲟⲛⲟⲥ ⲙⲛⲟⲩⲛⲟϭ ⲛⲉⲝⲟⲩⲥⲓⲁ
Sebatana se, se ne se tshwana le lengau mme se na le maroo a a tshwanang le a bera le molomo o tshwana le lengau mme se na le moroo a a tshwanang le a bera le molomo o tshwana le wa tau! Mme kgogela ya se naya nonofo ya yone le setilo sa bogosi le taolo e kgolo.
3 ⲅ̅ ⲁⲩⲱ ⲟⲩⲉⲓ ⲉⲃⲟⲗ ϩⲛⲛⲉϥⲁⲡⲏⲩⲉ ⲉϣϫⲉⲛⲧⲁⲩϩⲟⲧⲃⲉⲥ ⲉⲡⲙⲟⲩ ⲁⲩⲱ ⲧⲉⲡⲗⲩⲅⲏ ⲙⲡⲉϥⲙⲟⲩ ⲁⲩⲧⲁⲗϭⲟⲥ ⲁⲡⲕⲁϩ ⲧⲏⲣϥ ⲣϣⲡⲏⲣⲉ ϩⲓⲡⲁϩⲟⲩ ⲙⲡⲉⲑⲩⲣⲓⲟⲛ
Mme ka bona tlhogo nngwe ya sone ekete e bolaisegile mo e neng ekete ga e kake ya tlhola e fola, mme ntho e e maswe thata eo ya fola! Mme batho ba lefatshe ba gakgamalela kgakgamatso e mme ba sala sebatana se morago ka therego.
4 ⲇ̅ ⲁⲩⲱ ⲁⲩⲟⲩⲱϣⲧ̅ ⲙⲡⲉⲇⲣⲁⲕⲱⲛ ϫⲉ ⲁϥϯ ⲛⲧⲉⲝⲟⲩⲥⲓⲁ ⲙⲡⲉⲑⲩⲣⲓⲟⲛ ⲁⲩⲱ̅ ⲁⲩⲟⲩⲱϣⲧ̅ ⲙⲡⲉⲑⲩⲣⲓⲟⲛ ⲉⲩϫⲱ ⲙ̅ⲙⲟⲥ ϫⲉ ⲛⲓⲙ ⲡⲉⲧⲧⲛⲧⲱⲛ ⲉⲣⲟϥ ⲏ ⲛⲓⲙ ⲡⲉⲧⲉⲟⲩⲛϭⲟⲙ ⲙⲙⲟϥ ⲉⲙⲓϣⲉ ⲛⲙⲙⲁϥ
Ba obamela kgogela ka go se naya nonofo e e kalo, mme ba obamela sebatana se se sa tlwaelesegang. Ba goa ba re, “Ke kae kwa go nang le mongwe yo mogolo jaaka sone? Ke mang yo o ka kgonang go se tlhabantsha?”
5 ⲉ̅ ⲁⲩϯ ⲇⲉ ⲛⲁϥ ⲛⲟⲩⲧⲁⲡⲣⲟ ⲉⲥϫⲉⲛⲟϭ ⲛϣⲁϫⲉ ⲁⲩⲱ ⲉⲥϫⲓⲟⲩⲁ ⲁⲩⲧⲁⲁⲥ ⲇⲉ ⲛⲁϥ ⲉⲧⲣⲉϥⲙⲓϣⲉ ⲛϩⲙⲉⲥⲛⲟⲟⲩⲥ ⲛⲉⲃⲟⲧ̅
Mme kgogela ya tlhotlheletsa sebatana go tlhapatsa Morena; mme ya se naya taolo go laola lefatshe selekanyo sa dikgwedi di le masome a mane le bobedi.
6 ⲋ̅ ⲁϥⲟⲩⲱⲛ ⲛⲣⲱϥ ⲉϫⲓⲟⲩⲁ ⲉⲡⲣⲁⲛ ⲙⲡⲛⲟⲩⲧⲉ ⲙⲛⲧⲉϥⲥⲕⲩⲛⲏ ⲙⲛⲛⲉⲧⲟⲩⲏⲏϩ ϩⲛⲧⲡⲉ
Ka nako eo yotlhe sa tlhapatsa leina la tempele ya gagwe le botlhe ba ba nnang kwa legodimong.
7 ⲍ̅ ⲁⲩⲱ ⲁⲩϯ ⲛⲁϥ ⲛⲧⲉⲝⲟⲩⲥⲓⲁ ⲉϫⲛⲫⲩⲗⲏ ⲛⲓⲙ ϩⲓⲗⲁⲟⲥ ϩⲓⲁⲥⲡⲉ ϩⲓϩⲉⲑⲛⲟⲥ̅
Mme kgogela ya se naya nonofo go tlhabantsha batho ba Modimo le go ba fenya, le go busa dichaba tsotlhe le dipuo mo lefatsheng lothe.
8 ⲏ̅ ⲁⲩⲱ ⲥⲉⲛⲁⲟⲩⲱϣⲧ ⲛⲁϥ ⲛϭⲓⲟⲩⲟⲛ ⲛⲓⲙ ⲉⲧⲟⲩⲏⲏϩ ϩⲓϫⲙⲡⲕⲁϩ ⲛⲉⲧⲉⲙⲡⲉⲩⲣⲁⲛ ⲥⲏϩ ⲁⲛ ⲉⲛϫⲱⲱⲙⲉ ⲙⲡⲱⲛϩ ⲙⲡⲉϩⲓⲉⲓⲃ ⲛⲧⲁⲩⲕⲟⲛⲥϥ̅ ϫⲓⲛ ⲛⲧⲕⲁⲧⲁⲃⲟⲗⲏ ⲙⲡⲕⲟⲥⲙⲟⲥ̅
Le batho botlhe ba maina a bone a neng a sa kwalwa pele ga tshimologo ya lefatshe mo lokwalong lwa Botshelo lwa Kwana e e tlhabilweng, ba obamela sebatana se se bosula.
9 ⲑ̅ ⲡⲉⲧⲉⲟⲩⲛⲧϥ̅ⲙⲁⲁϫⲉ ⲙⲁⲣⲉϥⲥⲱⲧⲙ
A mongwe yo o nang le ditsebe, a reetse ka kelotlhoko.
10 ⲓ̅ ⲡⲉⲧⲁⲓⲭⲙⲁⲗⲱⲧⲓ̈ⲍⲉ ⲥⲉⲛⲁϥⲓⲧϥ ⲉⲧⲁⲓⲭⲙⲁⲗⲱⲥⲓⲁ ⲡⲉⲧⲛⲁϩⲱⲧⲃ ϩⲛⲟⲩⲥⲏϥⲉ ⲥⲉⲛⲁϩⲟⲧⲃⲉϥ ϩⲛⲧⲥⲏϥⲉ ⲡⲁⲓ ⲡⲉ ⲡⲙⲁ ⲛⲧϩⲩⲡⲟⲙⲟⲛⲏ ⲙⲛⲧⲡⲓⲥϯⲥ̅ ⲛⲛⲉⲧⲟⲩⲁⲁⲃ
Batho ba Modimo ba ba laoletsweng kgolegelo ba tlaa tshwarwa mme ba tsewe; ba ba laoletsweng loso ba tlaa bolawa. Mme lo se ka lwa kgobega marapo, gonne lo ke lobaka lwa go itshoka le go ikanyega.
11 ⲓ̅ⲁ̅ ⲁⲓⲛⲁⲩ ⲉⲕⲉⲑⲩⲣⲓⲟⲛ ⲉϥⲛⲏⲩ ⲉϩⲣⲁⲓ ϩⲙⲑⲁⲗⲗⲁⲥⲥⲁ ⲉⲩⲛⲧⲁⲡ ⲥⲛⲁⲩ ⲙⲙⲟϥ ⲛⲑⲉ ⲙⲡⲉϩⲓⲉⲓⲃ ⲉϥϣⲁϫⲉ ⲛⲑⲉ ⲙⲡⲉⲇⲣⲁⲕⲱⲛ
Mme ka bona sebatana se sengwe se se sa tlwaelesegang se sone se neng se tswa mo lefatsheng, se na le dinaka tse di potlana di le pedi jaaka tsa Kwana mme se na le lentswe le le boifisang jaaka la kgogela.
12 ⲓ̅ⲃ̅ ⲉϥⲉⲓⲣⲉ ⲛⲧⲉⲝⲟⲩⲥⲓⲁ ⲧⲏⲣⲥ ⲙⲡⲉⲑⲩⲣⲓⲟⲛ ⲛϣⲟⲣⲡ ⲙⲡⲉϥⲙⲧⲟ ⲉⲃⲟⲗ ⲁⲩⲱ ⲁϥⲧⲣⲉⲡⲕⲁϩ ⲙⲛⲛⲉⲧⲟⲩⲏⲏϩ ⲛϩⲏⲧϥ ⲟⲩⲱϣⲧ ⲙⲡⲉⲑⲩⲣⲓⲟⲛ ⲛϣⲟⲣⲡ ⲡⲁⲓ ⲛⲧⲁⲩⲧⲁⲗϭⲉⲧⲉⲡⲗⲩⲅⲏ ⲙⲡⲉϥⲙⲟⲩ
Se ne sa dirisa nonofo yotlhe ya sebatana se ntho ya sone e e maswe e fodileng, se se neng sa batla gore batho ba lefatshe botlhe ba se obamele.
13 ⲓ̅ⲅ̅ ⲁⲩⲱ ϥⲛⲁⲉⲓⲣⲉ ⲛϩⲉⲛⲛⲟϭ ⲙⲙⲁⲉⲓⲛ ϩⲱⲥⲇⲉ ⲛϥⲧⲣⲉⲡⲕⲱϩⲧ ⲉⲓ ⲉⲃⲟⲗ ϩⲛⲧⲡⲉ ⲉϫⲙⲡⲕⲁϩ ⲙⲡⲙⲧⲟ ⲉⲃⲟⲗ ⲛⲉⲛⲣⲱⲙⲉ
Mme sa dira dikgakgamatso tse motho ope a neng a se ka ke a di dumela jaaka go folosetsa molelo mo lefatsheng o tswa kwa legodimong, mongwe le mongwe a lebile.
14 ⲓ̅ⲇ̅ ⲛϥⲡⲗⲁⲛⲁ ⲛⲛⲉⲧⲟⲩⲏⲏϩ ϩⲓϫⲙⲡⲕⲁϩ ⲉⲧⲃⲉⲙⲙⲁⲉⲓⲛ ⲛⲧⲁⲩⲧⲁⲁⲩ ⲛⲁϥ ⲉⲁⲁⲩ ⲙⲡⲙⲧⲟ ⲉⲃⲟⲗ ⲙⲡⲉⲑⲩⲣⲓⲟⲛ ⲉϥϫⲱ ⲙⲙⲟⲥ ⲛⲛⲉⲧⲟⲩⲏⲏϩ ϩⲣⲁⲓ ϩⲓϫⲙⲡⲕⲁϩ ϫⲉ ⲧⲁⲙⲓⲟ ⲛⲟⲩϩⲓⲕⲱⲛ ⲙⲡⲉⲑⲩⲣⲓⲟⲛ ⲉⲧⲉⲣⲉⲧⲉⲡⲗⲩⲅⲏ ⲛⲧⲥⲏϥⲉ ϩⲓⲱⲱϥ ⲁⲩⲱ ⲁϥⲱⲛϩ
Ka go dira dikgakgamatso tse, sa tsietsa batho gongwe le gongwe, se ne se dira dikgakgamatso tse fela fa sebatana sa ntlha se le teng go se lebelela. Mme sa laela batho ba lefatshe go dira setshwantsho sa leje se segolo sa sebatana sa ntlha, se se neng se bolaisegile thata, mme sa tloga sa rula.
15 ⲓ̅ⲉ̅ ⲁⲩⲱ ⲁⲩϯ ⲛⲁϥ ⲉⲧⲣⲉϥϯⲡ̅ⲛ̅ⲁ̅ ⲛⲑⲓⲕⲱⲛ ⲙⲡⲉⲑⲩⲣⲓⲟⲛ ϫⲉⲕⲁⲥ ⲉⲥⲉϣⲁϫⲉ ⲛϭⲓⲧϩⲓⲕⲱⲛ ⲙⲡⲉⲑⲩⲣⲓⲟⲛ ⲁⲩⲱ ϥⲛⲁⲥⲙⲛⲧⲥ ϫⲉⲕⲁⲥ ⲛⲉⲧⲉⲛⲥⲉⲛⲁⲟⲩⲱϣⲧ ⲁⲛ ⲙⲡⲉⲑⲩⲣⲓⲟⲛ ⲉⲩⲉⲙⲟⲟⲩⲧⲟⲩ
Se ne sa letlelelwa go naya setshwano se sa leje mowa le go dira gore se bue! Hong setshwantsho se sa leje sa laela gore mongwe le mongwe yo o ganang go se obamela o tshwanetse go swa!
16 ⲓ̅ⲋ̅ ⲁⲩⲱ ϥⲛⲁⲧⲁⲁⲥ ⲛⲟⲩⲟⲛ ⲛⲓⲙ ⲛⲕⲟⲩⲓ ⲙⲛⲛⲛⲟϭ ⲛⲣⲙⲙⲁⲟ ⲙⲛⲛϩⲏⲕⲉ ⲛⲣⲙϩⲉ ⲙⲛⲛϩⲙϩⲁⲗ ϫⲉⲕⲁⲥ ⲉⲩⲉϯ ⲛⲁⲩ ⲛϩⲉⲛⲥϩⲁⲓ ⲉϫⲛⲧⲉⲩϭⲓϫ ⲛⲟⲩⲛⲁⲙ ⲏ ⲉϫⲛⲧⲉⲩⲧⲉϩⲛⲉ
Mme sa pateletsa mongwe le mongwe, bagolo le bannye, bahumi le bahumanegi, magolegwa le ba ba golotsweng, go tshwaiwa ka lotshwao longwe mo letsogong le legolo kgotsa mo phatleng.
17 ⲓ̅ⲍ̅ ϫⲉ ⲛⲛⲉⲗⲁⲁⲩ ϣϭⲙϭⲟⲙ ⲉϣⲱⲡ ⲏ ⲉϯ ⲉⲃⲟⲗ ⲉⲓⲙⲏⲧⲉⲓ ⲡⲉⲧⲉⲟⲩⲛⲧⲁϥⲡⲉⲥϩⲁⲓ ⲙⲡⲉⲑⲩⲣⲓⲟⲛ ⲏ ⲡⲉϥⲣⲁⲛ
Mme ga bo go se ope yo o ka bonang tiro kgotsa le fa e le go reka mo marekelong kwa ntle ga gore a bo a na le lotshwao loo, lo e neng e le leina la sebatana kgotsa palo ya leina la sone.
18 ⲓ̅ⲏ̅ ⲡⲁⲓ ⲡⲉ ⲡⲙⲁ ⲛⲧⲥⲟⲫⲓⲁ ⲡⲉⲧⲉⲟⲩⲛϩⲏⲧ ⲙⲙⲟϥ ⲙⲁⲣⲉϥⲉⲡⲧⲏⲡⲉ ⲙⲡⲣⲁⲛ ⲙⲡⲉⲑⲩⲣⲓⲟⲛ ⲧⲏⲡⲉ ⲅⲁⲣ ⲛⲟⲩⲣⲱⲙⲉ ⲧⲉ ⲉⲥⲉⲓⲣⲉ ⲛⲥⲉⲩϣⲉ ⲥⲉⲧⲁⲥⲉ
Jaanong malepa ke a, a a tlhokang kelotlhoko go rarabololwa. A ba ba kgonang, ba ranole palo e: dipalo tse mo leineng la gagwe di dira makgolo a marataro le masome a marataro le borataro!

< Ϯ⳰ⲀⲠⲞⲔⲀⲖⲨⳘⲮⲒⲤ 13 >