< Προς Κορινθιους Α΄ 8 >

1 Περὶ δὲ τῶν εἰδωλοθύτων, οἴδαμεν ὅτι πάντες γνῶσιν ἔχομεν. ἡ γνῶσις φυσιοῖ, ἡ δὲ ἀγάπη οἰκοδομεῖ.
Gape ke potso ya lona kaga go ja dijo tse di tlhabetsweng medimo ya disetwa. Mo potsong e mongwe le mongwe o ikutlwa gore karabo ya gagwe fela ke yone e e siameng! Mme le fa go ntse jalo go nna “moitse wa tsotlhe” go re dira gore re ipone botoka, mme se se tlhokegang tota, go aga phuthego ke lorato.
2 εἴ τις δοκεῖ ἐγνωκέναι τι, οὔπω ἔγνω καθὼς δεῖ γνῶναι·
Fa mongwe a akanya gore o itse dikarabo tsotlhe, o supa bosenakitso jwa gagwe fela.
3 εἰ δέ τις ἀγαπᾷ τὸν θεόν, οὗτος ἔγνωσται ὑπ’ αὐτοῦ.
Mme motho yo o ratang Modimo ka boammaaruri ke yo o bulegetseng kitso ya Modimo.
4 περὶ τῆς βρώσεως οὖν τῶν εἰδωλοθύτων οἴδαμεν ὅτι οὐδὲν εἴδωλον ἐν κόσμῳ, καὶ ὅτι οὐδεὶς θεὸς εἰ μὴ εἷς.
Jaanong ke eng kaga gone? A re tshwanetse go ja nama e e tlhabetsweng medimo ya disetwa? Ee, re a itse gore modimo wa sesetwa ga se Modimo tota, le gore go na le Modimo o le mongwe fela, mme e seng ope gape.
5 καὶ γὰρ εἴπερ εἰσὶν λεγόμενοι θεοὶ εἴτε ἐν οὐρανῷ εἴτε ἐπὶ γῆς, ὥσπερ εἰσὶν θεοὶ πολλοὶ καὶ κύριοι πολλοί,
Ka fa bathong ba bangwe, go na le medimo e megolo e le mentsi kwa legodimong le mo lefatsheng.
6 ἀλλ’ ἡμῖν εἷς θεὸς ὁ πατήρ, ἐξ οὗ τὰ πάντα καὶ ἡμεῖς εἰς αὐτόν, καὶ εἷς κύριος Ἰησοῦς Χριστός, δι’ οὗ τὰ πάντα καὶ ἡμεῖς δι’ αὐτοῦ.
Mme rona re itse gore go na le Modimo o le mongwe fela, Rara, yo o dirileng dilo tsotlhe a bo a re dira gore re nne ba gagwe; le Morena a le mongwe fela ebong Jesu Keresete, yo o dirileng sengwe le sengwe a bo a re naya botshelo.
7 ἀλλ’ οὐκ ἐν πᾶσιν ἡ γνῶσις· τινὲς δὲ τῇ συνηθείᾳ ἕως ἄρτι τοῦ εἰδώλου ὡς εἰδωλόθυτον ἐσθίουσιν, καὶ ἡ συνείδησις αὐτῶν ἀσθενὴς οὖσα μολύνεται.
Le fa go ntse jalo, Bakeresete ba bangwe ga ba lemoge selo se. Mo matshelong a bone otlhe ba ntse ba akantse medimo ya disetwa gore e a tshela, le go dumela gore dijo tse di diretsweng medimo ya disetwa di neetswe medimo tota. Jalo fa ba a ja dijo tseo di a ba sulafalela ebile di koafatsa digakolodi tsa bone.
8 βρῶμα δὲ ἡμᾶς οὐ παραστήσει τῷ θεῷ· οὔτε ἐὰν φάγωμεν περισσεύομεν, οὔτε ἐὰν μὴ φάγωμεν ὑστερούμεθα.
Gakologelwang fela gore Modimo ga o tlhokomele fa re di ja kgotsa re sa di je. Ga re molato fa re sa di je, ebile ga re botoka fa re di ja.
9 βλέπετε δὲ μήπως ἡ ἐξουσία ὑμῶν αὕτη πρόσκομμα γένηται τοῖς ἀσθενέσιν.
Mme itlhokomele gore o se ka wa dirisa kgololesego ya gago go di ja, e se re kgotsa wa leofisa mokaulengwe mongwe yo o nang le tumelo e e bokoa.
10 ἐὰν γάρ τις ἴδῃ σὲ τὸν ἔχοντα γνῶσιν ἐν εἰδωλίῳ κατακείμενον, οὐχὶ ἡ συνείδησις αὐτοῦ ἀσθενοῦς ὄντος οἰκοδομηθήσεται εἰς τὸ τὰ εἰδωλόθυτα ἐσθίειν;
O a bona, se ke se se ka diragalang: Mongwe yo o akanyang go le phoso go ja dijo tse o tlaa go bona o o ja kwa tlung ya dijo ya Tempele, gonne o a itse fa go sena molato mo go tsone. Mme lo tlaa nna pelokgale thata go di ja le ene le fa ka nako tsotlhe a ntse a ikutlwa e le phoso.
11 ἀπόλλυται γὰρ ὁ ἀσθενῶν ἐν τῇ σῇ γνώσει, ὁ ἀδελφὸς δι’ ὃν Χριστὸς ἀπέθανεν.
Jalo ka gore o “itse gore go siame go di ja,” o tlaa bo o tshwanetse go arabela go dira tshenyego e kgolo ya semowa mo mokaulengweng yo o nang le segakolodi se se boruma, yo Keresete a mo swetseng.
12 οὕτως δὲ ἁμαρτάνοντες εἰς τοὺς ἀδελφοὺς καὶ τύπτοντες αὐτῶν τὴν συνείδησιν ἀσθενοῦσαν εἰς Χριστὸν ἁμαρτάνετε.
Mme ke sebe kgatlhanong le Keresete go leofela mokaulengwe wa gago ka go mo kgothatsa go dira sengwe se a akanyang se le phoso.
13 διόπερ εἰ βρῶμα σκανδαλίζει τὸν ἀδελφόν μου, οὐ μὴ φάγω κρέα εἰς τὸν αἰῶνα, ἵνα μὴ τὸν ἀδελφόν μου σκανδαλίσω. (aiōn g165)
Jalo fa nama e e ntshediwang medimo ya disetwa e tlaa leofisa mokaulengwe wa me, ga nkitla ke e ja mo botshelong jwa me, ka gore ga ke batle go mo leofisa. (aiōn g165)

< Προς Κορινθιους Α΄ 8 >