< 使徒の働き 9 >

1 サウロは主の弟子たちに對して、なほ恐喝と殺害との氣を充し、大 祭司にいたりて、
Mme Saulo, ka go tshosa ka bogale jwa go nyeletsa Mokeresete mongwe le mongwe, o ne a ya kwa Moperesiting yo mogolo kwa Jerusalema.
2 ダマスコにある諸 教會への添書を請ふ。この道の者を見出さば、男女にかかはらず縛りてエルサレムに曳かん爲なり。
O ne a kopa lokwalo lo lo kwaletsweng diphuthego kwa Damaseko, a kopa thuso ya go bogisa badumedi ba o tlaa ba bonang teng, banna le basadi gore a tle a ba lere kwa Jerusalema ba golegilwe.
3 往きてダマスコに近づきたるとき、忽ち天より光いでて、彼を環り照したれば、
Mme mo loetong lo, ya re a atamela Damaseko ka tshoganetso lesedi le le galalelang thata la mo phatsimela le tswa legodimong!
4 かれ地に倒れて『サウロ、サウロ、何ぞ我を迫害するか』といふ聲をきく。
O ne a wela fa fatshe mme a utlwa lentswe le re, “Saulo! Saulo! o mpogisetsang?”
5 彼いふ『主よ、なんぢは誰ぞ』答へたまふ『われは汝が迫害するイエスなり。
Mme ene a re, “O mang Morena?” Jalo lentswe la fetola la re, “Ke Jesu yo o mmogisang!
6 起きて町に入れ、さらば汝なすべき事を告げらるべし』
Jaanong tsoga o tsene mo motseng mme o letele ditaelo tsa me.”
7 同行の人々、物 言ふこと能はずして立ちたりしが、聲は聞けども誰をも見ざりき。
Mme banna ba ba neng ba na le Saulo ba ema ba tuulala ka kgakgamalo, gonne ba ne ba utlwa lentswe la mongwe mme ba sa mmone!
8 サウロ地より起きて目をあけたれど何も見えざれば、人その手をひきてダマスコに導きゆきしに、
Mme erile fa Saulo a tsoga fa fatshe a bo a sa bone. O ne a tshwanelwa ke go gogelwa kwa Damaseko kwa o neng a nna teng malatsi a mararo, a sa bone, a sa je, a sa nwe ka nako eo yotlhe.
9 三日のあひだ見えず、また飮食せざりき。
10 さてダマスコにアナニヤといふ一人の弟子あり、幻影のうちに主いひ給ふ『アナニヤよ』答ふ『主よ、我ここに在り』
Mme mo Damaseko go ne go na le morutwa, ebong Ananiase. Modimo o ne wa bua nae mo ponatshegelong wa re, “Ananiase!” Mme a re, “Morena”!
11 主いひ給ふ『起きて直といふ街にゆき、ユダの家にてサウロといふタルソ人を尋ねよ。視よ、彼は祈りをるなり。
Mme Morena a re, “Tsamaya o ye kwa mmileng o go tweng Tolamo o batle ntlo ya monna yo o bidiwang Judase mme o botse gore Saulo wa Tareso o kae. O a rapela gone jaanong, gonne
12 又アナニアといふ人の入り來りて、再び見ゆることを得しめんために、手を己がうへに按くを見たり』
ke mmontshitse ponatshegelo ya monna yo o bidiwang Ananiase a tla go baya diatla tsa gagwe mo go ene gore a foufologe gape!”
13 アナニヤ答ふ『主よ、われ多くの人より此の人に就きて聞きしに、彼がエルサレムにて汝の聖徒に害を加へしこと如何ばかりぞや。
Mme Ananiase a re, “Morena, ke utlwile kaga dilo tse di sa siamang tse monna yo o di dirileng mo badumeding kwa Jerusalema!
14 また此處にても、凡て汝の御名をよぶ者を縛る權を祭司長らより受けをるなり』
Gape re utlwa gore o tshotse tetlelelo ya go tshwara e e tswang kwa baperesiting ba bagolo go mo fa thata ya go tshwara modumedi mongwe le mongwe mo Damaseko!”
15 主いひ給ふ『往け、この人は異邦人・王たち・イスラエルの子孫のまへに、我が名を持ちゆく我が選の器なり。
Mme Morena a re, “Tsamaya o dire se ke se buang. Gonne Saulo ke sejana same se se tlhaotsweng go isa molaetsa wame mo go Badichaba le mo dikgosing tsa bone, le mo bathong ba Iseraele.
16 我かれに我が名のために如何に多くの苦難を受くるかを示さん』
Mme ke tlaa mo supegetsa gore o tshwanetse go mpogela go le kae.”
17 ここにアナニヤ往きて其の家にいり、彼の上に手をおきて言ふ『兄弟サウロよ、主すなはち汝が來る途にて現れ給ひしイエス、われを遣し給へり。なんぢが再び見ることを得、かつ聖 靈にて滿されん爲なり』
Mme Ananiase a tsamaya a bona Saulo a bo a mmaya diatla a re, “Mokaulengwe Saulo, Morena Jesu yo o neng a go ipontsha mo tseleng, o nthomile gore o tle o tladiwe ka Mowa O O Boitshepo le gore o foufologe.”
18 直ちに彼の目より鱗のごときもの落ちて見ることを得、すなはち起きてバプテスマを受け、
Ya re gone fela foo (ya ne ekete go wa dikgapetlana mo matlhong a ga Saulo) a foufologa, mme ka bonako a kolobediwa.
19 かつ食事して力づきたり。サウロは數日の間ダマスコの弟子たちと偕にをり、
Mme a ja mme a nonofa. O ne a nna le badumedi mo Damaseko malatsinyana,
20 直ちに諸 會堂にて、イエスの神の子なることを宣べたり。
mme erile gone fela foo a ya kwa tlung ya thuto go bolelela mongwe le mongwe Mafoko a a Molemo kaga Jesu, gore tota ke Morwa Modimo!
21 聞く者みな驚きて言ふ『こはエルサレムにて此の名をよぶ者を害ひし人ならずや、又ここに來りしも、之を縛りて祭司長らの許に曳きゆかんが爲ならずや』
Botlhe ba ba neng ba mo utlwa ba ne ba hakgamala. Ba ne ba botsa ba re, “A monna yo ga se ene yo o neng a bogisa thata balatedi ba ga Jesu kwa Jerusalema? Mme re utlwa gore o tletse fano go tla go ba tshwara botlhe mme a ba golega go ba isa kwa baperesiting ba bagolo.”
22 サウロますます能力くははり、イエスのキリストなることを論證して、ダマスコに住むユダヤ人を言ひ伏せたり。
Saulo o ne a nna tlhaga thata mo therong ya gagwe, mme Bajuta ba Damaseko ba ne ba sa kgone go emela ditshupo tsa gagwe gore Jesu tota e ne e le Keresete.
23 日を經ること久しくして後、ユダヤ人かれを殺さんと相 謀りたれど、
Moragonyana, baeteledipele ba Sejuta ba ikaelela go mmolaya.
24 その計畧サウロに知らる。かくて彼らはサウロを殺さんとて、晝も夜も町の門を守りしに、
Mme o ne a bolelelwa kaga maikaelelo a bone, gore ba ne ba tlhokometse dikgoro tsa motse bosigo le motshegare ba ipaakanyeditse go mmolaya.
25 その弟子ら夜中かれを籃にて石垣より縋り下せり。
Mme erile bosigo bangwe ba o ba sokolotseng ba mo falotsha ka kgorwana mo loboteng lwa motse a le mo serotong.
26 ここにサウロ、エルサレムに到りて弟子たちの中に列らんとすれど、皆かれが弟子たるを信ぜずして懼れたり。
Erile fa a goroga kwa Jerusalema a leka go kopana le badumedi, mme ba ne ba mo tshaba. Ba ne ba gopola gore o itira yo o dumelang!
27 然るにバルナバ彼を迎へて、使徒たちの許に伴ひゆき、その途にて主を見しこと、主の之に物 言ひ給ひしこと、又ダマスコにてイエスの名のために臆せず語りし事などを具に告ぐ。
Jalo Barenabase a mo tlisa mo baaposetoloing mme a ba bolelela ka fa Saulo a ileng a bona Morena ka teng mo tseleng a ya Damaseko, le se Morena o neng a se bua nae, le ka thero ya gagwe e e nonofileng ka leina la ga Jesu kwa Damaseko.
28 ここにサウロはエルサレムにて弟子たちと共に出入し、
Mme ba mo amogela, mme morago ga moo o ne a nna le badumedi ka nako tsotlhe,
29 主の御名のために臆せず語り、又ギリシヤ語のユダヤ人と、かつ語りかつ論じたれば、彼 等これを殺さんと謀りしに、
mme a rera ka bopelokgale mo leineng la Morena. Mme Bajuta bangwe ba ba neng ba bua Segerika ba o kileng a ganetsana nabo ba loga leano la go mmolaya.
30 兄弟たち知りて彼をカイザリヤに伴ひ下り、タルソに往かしめたり。
Le fa go ntse jalo, erile badumedi ba bangwe ba utlwa diphatsa tse a leng mo go tsone, ba mo isa kwa Kaesarea mme ya re morago ga moo ba mo isa kwa ga gabo kwa Tareso.
31 かくてユダヤ、ガリラヤ及びサマリヤを通じて、教會は平安を得、ややに堅立し、主を畏れて歩み、聖 靈の祐助によりて人數いや増せり。
Erile ka lobaka lo, phuthego e ne e le mo kagisong mo ntlheng tsotlhe tsa Judea, Galalea le Samaria, mme tsa gola mo nonofong le mo palong. Badumedi ba ithuta go tsamaya ba boifa Morena mo kgomotsong ya Mowa O O Boitshepo.
32 ペテロは徧く四方をめぐりてルダに住む聖徒の許にいたり、
Petere o ne a tsamaya mafelo a a farologanyeng go ba etela, o ne a etela le badumedi ba ba kwa motseng wa Lida.
33 彼處にてアイネヤといふ人の中風を患ひて八 年のあひだ牀に臥し居るに遇ふ。
Teng koo, a kopana le monna yo o neng a bidiwa Aenease, yo o neng a gateletswe ke bolwetse a bile a sa kgone go tsoga mo bolaong ka dingwaga di roba bobedi.
34 かくてペテロ之に『アイネヤよ、イエス・キリスト汝を醫したまふ、起きて牀を收めよ』と言ひたれば、直ちに起きたり。
Mme Petere a mo raya a re, “Aenease! Jesu Keresete o go fodisitse! Tsoga o baakanye bolao jwa gago.” Mme erile fela gone foo a fodisiwa.
35 ここにルダ及びサロンに住む者みな之を見て主に歸依せり。
Mme batho botlhe ba Lida le ba Sharona ba sokologela mo Moreneng fa ba bona Aenease a tsamaya.
36 ヨツパにタビタと云ふ女の弟子あり、その名を譯すればドルカスなり。此の女は、ひたすら善き業と施濟とをなせり。
Mo motseng wa Jopa go ne go na le mosadi a bidiwa Dorokase, (le fa e le Tshephe) modumedi yo o neng a tshela a direla ba bangwe bo-molemo, bogolo jang batlhoki.
37 彼そのころ病みて死にたれば、之を洗ひて高樓に置く。
Ka nako eo o ne a lwala mme a swa. Ditsala tsa gagwe tsa mmaakanyetsa phitlho mme tsa mo robatsa mo ntlwaneng e e kwa godimo.
38 ルダはヨツパに近ければ、弟子たちペテロの彼處に居るを聞きて、二人の者を遣し『ためらはで我らに來れ』と請はしむ。
Mme erile fa ba utlwa fa Petere a le gaufi mo Lida, ba roma banna ba le babedi go kopa go boela le bone kwa Jopa.
39 ペテロ起ちてともに往き、遂に到れば、彼を高樓に伴れてのぼりしに、寡婦らみな之をかこみて泣きつつ、ドルカスが偕に居りしほどに製りし下衣・上衣を見せたり。
Mme o ne a dira jalo, erile fela fa a goroga, ba mo tseela kwa ntlwaneng ee kwa go-dimo kwa Dorokase o neng a beilwe teng. Ntlo e ne e tletse batlholagadi ba ba lelang ba ba neng ba bontshana diaparo tse Dorokase o di ba diretseng.
40 ペテロ彼 等をみな外に出し、跪づきて祈りし後、ふりかへり屍體に向ひて『タビタ、起きよ』と言ひたれば、かれ目を開き、ペテロを見て起反れり。
Mme Petere a ba kopa gore botlhe ba tswele kwa ntle; jalo a khubama a rapela. Erile a retologela kwa setopong a re, “Tsoga Dorokase,” mme a bula matlho! Ya re a bona Petere a tsoga!
41 ペテロ手をあたへ、起して聖徒と寡婦とを呼び、タビタを活きたるままにて見す。
A mo naya letsogo a mo thusa go tsoga mme a biletsa badumedi botlhe le batlholagadi mo teng, a ba mo neela!
42 この事ヨツパ中に知られたれば、多くの人、主を信じたり。
Dikgang tsa anama le motse, mme ba le bantsi, ba dumela mo Moreneng.
43 ペテロ皮工シモンの家にありて日 久しくヨツパに留れり。
Mme Petere a nna lobaka lo loleele mo Jopa, a nna le Simone, wa mosuga matlalo.

< 使徒の働き 9 >