< Bakorintha I 9 >

1 Ke nna moaposetoloi, morongwa wa Modimo, ga go na motho ope yo o nang le boikarabelo ka ga me. Ke nna yo ke bonyeng Jesu Morena wa rona ka matlho. Mme phetogo ya matshelo a lona ke maduo a tiro ya me e ke e dirileng ka bonatla.
Ne suis-je pas libre? ne suis pas apôtre? n'ai-je pas vu Jésus notre Seigneur? N'êtes-vous pas mon oeuvre dans le Seigneur?
2 Fa e le gore mo mogopolong wa bangwe ga ke moaposetoloi, ka boammaaruri ke ene mo go lona, gonne lo gapetswe mo go Keresete ke nna.
Si pour d'autres je ne suis pas apôtre, au moins le suis-je pour vous. Car le sceau de mon apostolat c'est vous qui l'êtes dans le Seigneur,
3 Se ke karabo ya me mo go ba ba botsang ditshwanelo tsa me.
et mon apologie auprès de ceux qui me mettent en cause, la voilà.
4 Kgotsa a ga ke na ditshwanelo gotlhelele? A ga nkake ka batla tshwanelo e e tshwanang le e baaposetoloi ba bangwe ba nang nayo ya go nna moeng mo magaeng a lona?
N'aurions-nous pas le droit de manger et boire à vos frais?
5 Fa ke ne ke na le mosadi; mme e le modumedi, a ke ne ke se ka ke ka tsamaya nae mo maetong ame jaaka barutwa ba bangwe ba dira, le jaaka bakaulengwe ba Morena ba dira, le jaaka Petere a dira
N'aurions-nous pas le droit de mener partout avec nous une femme soeur comme les autres apôtres, comme les frères du Seigneur, comme Képhas?
6 A ke nna le Barenabase re le rosi ba re tshwanetseng go direla botshelo jwa rona, fa lona lo abela ba bangwe ba?
Barnabas et moi, sommes-nous seuls à ne pas avoir le droit de nous dispenser de travailler?
7 Ke lesole lefe mo ntweng le le tshwanetseng go ituelela ditshenyegelo tsa lone. Mme a lo kile lwa utlwa kaga molemi yo o ithobelang thobo ya gagwe mme a sena tshwanelo ya go ja sengwe mo go yone? Ke modisa ofe yo o tlhokomelang letsomane la dinku le dipodi mme a sa letlelelwa go nwa mashi a tsone?
Qui a jamais fait son service militaire à ses propres frais? Plante-t-on une vigne pour n'en pas manger le fruit? Fait-on paître un troupeau sans se nourrir de son lait?
8 Mme ga ke kwale fela megopolo ya batho ka se se siameng. Ke lo bolelela se molao wa Modimo o se buang.
Est-ce que je ne vous indique là que les usages du monde? La Loi même ne dit-elle pas la même chose?
9 Gonne molao o Modimo o o neetseng Moshe wa re ga lo a tshwanela go fapa pelesa molomo go e itsa go ja fa e gataka e photha mabele. A lo gopola gore Modimo o ne o akanya kaga dipelesa fela fa o ne o rialo?
Dans la Loi de Moïse il est écrit: «Tu ne muselleras pas le boeuf qui foule le blé.» Est-ce que Dieu s'occupe des boeufs?
10 A o ne o sa akanye le kaga rona? Ee, go ntse jalo. O ne o bua se go re supegetsa gore badiri ba Sekeresete ba tshwanetse go duelwa ke ba ba ba direlang. Ba ba lemang le ba ba phothang ba tshwanetse go solofela seabe sengwe mo thobong.
Ne dit-il pas cela exclusivement pour nous? Oui, c'est pour nous que cette parole a été écrite. Elle signifie que celui qui laboure la terre et celui qui bat le blé doivent le faire avec l'espérance d'en avoir leur part.
11 Re jetse peo e e molemo ya semowa mo dipelong tsa lona. A ga go tshwanele fa re lopa dijo le diaparo mo go lona?
Nous avons semé chez vous la semence spirituelle, serait-ce il beaucoup de cueillir quelque chose de votre temporel?
12 Lo di naya ba ba lo rerelang, ebile lo tshwanetse. Mme a ga re a tshwanela go nna le e leng tshwanelo e kgolo mo go bone? Le fa go ntse jalo ga re ise re ke re dirise tshwanelo e, mme re ithusa ka bo rona kwa ntle ga thuso ya lona. Ga re ise re kope tuelo ya mofuta ope re boifa gore, fa re dira jalo, lo ka nna le kgatlhego e potlana mo molaetseng wa ga Keresete o o tlang ka rona.
Si d'autres se sont donné ce droit sur vous, ne l'aurions-nous pas à plus forte raison? Eh bien, nous n'avons pas usé de ce droit; au contraire, nous supportons tout pour ne créer aucun obstacle à l'Évangile du Christ!
13 A galo lemoge gore Modimo o boleletse ba ba neng ba dira mo Tempeleng ya gagwe go itseela dingwe tsa dijo tse di neng di tlisitswefoo e le dimpho tsa one? Mme ba ba dirang mo Aletareng ya Modimo ba tsaya seabe sa dijo tse di neng di tlisitswe ke ba ba neng ba abela Morena.
Ignorez-vous que ceux qui font le service sacré sont nourris par le Temple? que ceux qui sont occupés à l'autel sont les commensaux de l'autel?
14 Ka tsela e e ntseng jalo, Morena o ntshitse ditaolo gore ba ba rutang Mafoko a a Molemo ba tshwanetse go otlwa ke ba ba a amogelang.
De même le Seigneur a ordonné à ceux qui annoncent l'Évangile de vivre de l'Évangile.
15 Le fa go ntse jalo ga ke ise ke ke ke lo kope le fa ele ledi le le lengwe. Mme ga ke kwale se go lo tlhagisa gore ke batla go simolola, legale, ke ka mpa ka swa ke bolawa ke tlala go na le go latlhegelwa ke boitumelo jo ke bo bonang mo go lo rereleng kwa ntle ga tuelo.
Eh bien, moi, je n'ai usé d'aucun de ces droits. Je n'écris pas cela pour que vous m'en fassiez jouir désormais, car j'aimerais mieux mourir que de me laisser enlever ce sujet de gloire.
16 Gonne go rera Mafoko a a Molemo ga se tlotla epe mo go nna, ke ne ke ka se ke ka lesa go rera fa ke ne ke batla. Ke tlaa bo ke tlhomola pelo gotlhelele. A go latlhege nna fa ke sa rere.
En effet, ce n'est pas prêcher l'Évangile qui est mon sujet de gloire. C'est une obligation qui m'est imposée et malheur à moi si je ne prêche pas l'Évangile!
17 Fa ke ne ke dira ka go ithaopa ga go rata ga me, jalo Morena o ne a tlaa nnaya tuelo e e faphegileng; mme seo ga se one mabaka, gonne Modimo o ntshitse wa nnaya tsholofelo e, e e boitshepo mme ga go na se ke ka se dirang.
Ah! si je le prêchais de mon propre mouvement, j'aurais un mérite, mais si je le prêche par ordre, c'est un ministère qui m'est confié.
18 Ka mabaka a, tuelo ya me ke eng? Ke boitumelo jo bo faphegileng jo ke bo bonang mo go rereng Mafoko a a Molemo kwa ntle ga tshenyegelo mo go ope, ke sa kope ditshwanelo tsa me.
Quel est alors mon mérite? c'est qu'en évangélisant je prêche l'Évangile gratis, de sorte que je n'use pas des droits que j'ai au nom de l'Évangile.
19 Mme mo go na le thuso tota: ga ke a tlamega go obamela ope fela ka ntlha ya go bo a ntuela; le fa go ntse jalo ke na le kgololesego le boitumelo go nna motlhanka wa botlhe gore ke kgone go ba gapela mo go Keresete.
Étant libre de tous, je me suis fait esclave de tous, pour en gagner un plus grand nombre.
20 Fa ke na le Bajuta ke lebega ke le mongwe wa bone gore ba tle ba reetse Mafoko a a Molemo le go ka ba gapela mo go Keresete. Fa ke na le Badichaba ba ba latelang mekgwa le mediro ya Sejuta ga ke ganetse, le mororo ke sa dumalane nabo, ka gore ke batla go ba thusa.
Je me suis fait Juif pour les Juifs, afin de gagner les Juifs; à ceux qui sont sous l'autorité de la Loi, je me suis présenté comme étant sous l'autorité de la Loi (quoique je ne fusse pas sous cette autorité), afin de gagner ceux qui sont, sous l'autorité de la Loi.
21 Fa ke na le baheitane ke dumalana le bone jaaka ke ka kgona, le fa go ntse jalo ke ntse ke itse gore ke tshwanetse ka metlha yotlhe go dira se se siameng jaaka Mokeresete. Mme jalo ka go dumalana nabo, ke ka gapa digakolodi tsa bone le go ba thusa le bone.
Avec ceux qui ne sont pas sous l'autorité de la Loi, j'ai été sans Loi (quoique je ne fusse pas hors de la vraie Loi de Dieu, étant dans la Loi de Christ), afin de gagner ceux qui ne sont pas sous l'autorité de la Loi.
22 Fa ke na le ba digakolodi tsa bone di leng bokoa, ga ke dire jaaka e ka re ke itse gotlhe ga ke ba bitse dieleele; pheletso ke gore ba eletsa gore ke ba thuse. Ee, le fa motho a ntse jang, ke leka go bona seemo se se motlhofo ka ene go re a tle a ntetle go mmolelela kaga Keresete le go letla Keresete gore a mmoloke.
Pour les faibles, j'ai été faible afin de gagner les faibles. J'ai été tout à tous pour en sauver un certain nombre de toutes les manières.
23 Ke dira se go ba tlisetsa Mafoko a a Molemo le tshegofatso e nna ka bo nna ke e amogelang fa ke ba bona ba tla mo go Keresete.
Et tout cela je le fais à cause de l'Évangile, afin d'en avoir ma part.
24 Mo lobelong, mongwe le mongwe o a siana mme motho a le mongwe fela a gape sekgele sa ntlha. Jalo sianang lobelo lwa lona go gapa sekgele.
Ne savez-vous pas que dans les courses du stade tous courent, mais qu'un seul remporte le prix? Courez de manière à le remporter.
25 Go gapa sekgele mo kgaisanong lo tshwanetse go itatola bolona le dilo di le dintsi tse di ka lo kganelang go dira ka botlalo. Mosiami o tsena mo matshwenyegong a le mantsi fela go gapa talama e tala kgotsa senwelo sa gauta, mme rona re direla tuelo ya selegodimo e e sa ka keng ya nyelela.
Ceux qui doivent concourir aux jeux s'imposent de rigoureuses abstinences; et c'est pour recevoir une couronne périssable; nous, faisons de même pour une couronne impérissable.
26 Jalo ke sianela fela kwa bofelong ka maikaelelo mo kgatong nngwe le nngwe, ke lwela go fenya. Ga ke lwele lefela kgotsa dinyana.
Pour moi, voici comment je cours: je ne vais pas à l'aventure; voici comment je me bats: je ne frappe pas dans le vide;
27 Jaaka mosiami ke otlhaya mmele wa me, ke o tsenya mo pitlaganong, gongwe ke kaiwe ke sa itekanela mme ke laolalwe go emela fa thoko.
mais je meurtris mon corps et je le rends esclave, de peur qu'après avoir fait le héraut pour les autres je ne sorte de la lice rejeté.

< Bakorintha I 9 >