< Bakorintha II 12 >

1 Go ipelafatsa mo gotlhe ke boeleele, mme mmang ke tswelele. Mmang ke lo bolelele diponatshego tse kileng ka di bona, le ditshenolo tse di tswang mo Moreneng.
If it bihoueth to haue glorie, it spedith not; but Y schal come to the visiouns and to the reuelaciouns of the Lord.
2 Mo dingwageng tse di lesome le bone tse di fetileng, ke ne ka isiwa kwa legodimong. Lo se ka lwa mpotsa gore a mmele wa me kgotsa mowa wa me o ne o le teng kwa legodimong, gonne ga ke itse, ke Modimo fela o ka arabang moo, mme le fa go ntse jalo, ke ne ke le mo felong fa go ntle (legodimong),
I woot a man in Crist that bifore fouretene yeer; whether in bodi, whether out of the bodi, Y woot not, God woot; that siche a man was rauyschid `til to the thridde heuene.
3
And Y woot sich a man; whether in bodi, or out of bodi, Y noot, God woot;
4 ke ne ka utlwa dilo tse di hakgamatsang tse di fetang nonofo ya motho go ka di bolela (mme le fa go ntse jalo ga ke letlelelwe go di bolelela batho).
that he was rauyschid in to paradis, and herde preuy wordis, whiche it is not leueful to a man to speke.
5 Maitemogelo ao ke sengwe se ke ka ikgan-tshang ka sone, mme ga nkitla ke dira jalo. Ke tlaa ipelafatsa fela ka bokoa jwa me le ka fa Modimo o leng mogolo ka teng go dirisa bokoa jo bo ntseng jalo kgalaletsong ya one.
For such maner thingis Y schal glorie; but for me no thing, no but in myn infirmytees.
6 Ke na le go le gontsi mo ke ka ipelafatsang ka gone ebile ke tlaa bo ke se seeleele go dira jalo, mme ga ke batle ope go ntseela kwa godimo go feta jaaka a tshwanetse mo go se a ka se bonang mo botshelong jwa me le mo molae-tseng wa me.
For if Y schal wilne to glorie, Y schal not be vnwijs, for Y schal seie treuthe; but Y spare, lest ony man gesse me ouer that thing that he seeth in me, or herith ony thing of me.
7 Ke tlaa bua se: ka ntlha ya gore maitemogelo a ke nang nao a magolo thata, Modimo o ne o tshaba gore a ka nkgogomosa; jalo ke ne ka nna le bolwetse jo e neng e le mutlwa mo nameng ya me, morongwa wa ga Satane go ntlhokofatsa le go ntshwenya, a bo a tlhaba boikgantsho jwa me.
And lest the greetnesse of reuelaciouns enhaunse me in pride, the pricke of my fleisch, an aungel of Sathanas, is youun to me, that he buffate me.
8 Mo makgethong a mararo ke ne ka rapela Modimo go mphodisa.
For whiche thing thries Y preiede the Lord, that it schulde go awei fro me.
9 Nako le nako a re, “Nnyaa. Ke na nao, ke gone gotlhe mo o go tlhokang. Nonofo ya me e supiwa sentle mo bathong ba ba bokoa”. Jaanong ke itumelela go ipelafatsa ka bokoa jwa me; ke itumelela go nna sekao se se tshelang sa nonofo ya ga Keresete, mo boemong jwa go supa nonofo e e leng ya me, le tse ke ka di dirang.
And he seide to me, My grace suffisith to thee; for vertu is parfitli maad in infirmyte. Therfor gladli Y schal glorie in myn infirmytees, that the vertu of Crist dwelle in me.
10 E re ka ke itse gore gotlhe mo go kgatlha Keresete, ke itumela thata kaga “mutlwa” o o mo nameng ya me, le kaga ditlhapa le mathata, dipogiso le matshwenyego; gonne fa ke le bokoa, jalo ke nonofile, ka nonofo e potlana e ke nang nayo, ke nna ke mo ikanya thata.
For which thing Y am plesid in myn infirmytees, in dispisyngis, in nedis, in persecuciouns, in anguyschis, for Crist; for whanne Y am sijk, thanne Y am miyti.
11 Lo ntirile gore ke dire jaaka seeleele—ke ipelafatse jaana, gonne batho ke lona lo tshwanetse lo ka bo lo kwala kaga me go na le gore lo ntire gore ke kwale kaga me. Ga go na sepe se batho ba, ba nang naso, se ke se nang naso, le fa ke se sepe gotlhelele.
Y am maad vnwitti, ye constreyneden me. For Y ouyte to be comendid of you; for Y dide no thing lesse than thei that ben apostlis `aboue maner.
12 Erile fa ke le koo ke lo supegeditse sentle gore ke moaposetoloi wa boammaaruri, yo o romilweng mo go lona ke Modimo; gonne ke dirile dikgakgamatso di le dintsi thata ka bopelotelele le ditshupo le ditiro tse dikgolo mo go lona.
Thouy Y am nouyt, netheles the signes of myn apostilhed ben maad on you, in al pacience, and signes, and grete wondris, and vertues.
13 Mme selo sengwe fela se ke sa se lo direlang se ke se dirang gongwe le gongwe mo diphuthegong tse dingwe tsotlhe, go nna morwalo mo go lona, ga ke ise nke ke lo kope dijo kgotsa bonno. Tsweetswee intshwareleng phoso e!
And what is it, that ye hadden lesse than othere chirchis, but that Y my silf greuyde you not? Foryyue ye to me this wrong.
14 Jaanong ke tla mo go lona gape la boraro; mme ke tlaa nna ke sa batle tuelo epe mo go lona, gonne ga ke batle madi a lona. Ke batla lona! Le fa go ntse jalo, lo bana ba me, mme bananyana ga ba duele dijo tsa batsadi ba bone, ke ka mokgwa o mongwe; batsadi ba abela bana ba bone dijo.
Lo! this thridde tyme Y am redi to come to you, and Y schal not be greuous to you; for Y seke not tho thingis that ben youre, but you. For nether sones owen to tresoure to fadir and modir, but the fadir and modir to the sones.
15 Ke itumelela go lo inaya le gotlhe mo ke nang nago go nna dijo tsa semowa, le fa go lebega ekete fa ke lo rata thata lona lo nthata go le gonnye.
For Y schal yyue moost wilfuli, and Y my silf schal be youun aboue for youre soulis; thouy Y more loue you, and be lesse louyd.
16 Bangwe ba lona ba re, “Ke boammaaruri gore go re etela ga gagwe go bonala go ne go sa re senyetsa sepe, mme Paulo yole ke motho yo o bokukuntshwane, mme o re tsieditse. Ka boammaaruri o tshwanetse a bo a dirile madi mo go rona ka tsela nngwe.”
But be it; Y greuyde not you, but whanne Y was sutil, Y took you with gile.
17 Mme jang? A mongwe wa banna ba ke neng ka ba romela kwa go lona o lo jele ntsoma?
Whether Y disseyuede you bi ony of hem, which Y sente to you?
18 Erile fa ke kgothatsa Tito gore a lo etele, le mokaulengwe yo mongwe nae, a ba ne ba dira madi mangwe? Nnyaa, ga ba ise ba ke ba dire jalo. Gonne re na le Mowa O O Boitshepo o le mongwe fela, ebile re gata mo dikgatong tsa ba bangwe, re dira dilo ka go tshwana.
Y preiede Tite, and Y sente with hym a brother. Whether Tite begilide you? whether we yeden not in the same spirit? whether not in the same steppis?
19 Ke gopola gore lo akanya gore ke bua mo gotlhe go lo ipatlela. Ga go a nna jalo gotlhelele. Ke a lo bolelela, le Modimo o reeditse fa ke bua, gore ke buile se go lo thusa, ditsala tse di rategang, go lo aga mo meweng e seng go ithusa.
Sum tyme ye wenen, that we schulen excuse vs anentis you. Bifor God in Crist we speken; and, moost dere britheren, alle thingis for youre edifiyng.
20 Gonne ke boifa gore fa ke lo etela ga nke ke rate se ke se fitlhelang, mme jalo ga lo kitla lo rata mokgwa o ke tlaa dirang ka one. Ke boifa gore ke tlaa fitlhela lo omana, lo fufegelelana, lo gakalelana, lo ikgogomosa lo buana leswe, lo sebana lo tletse mabela le dikgaogano.
But Y drede, lest whanne Y come, Y schal fynde you not suche as Y wole, and Y schal be foundun of you suche as ye wolen not; lest perauenture stryuyngis, enuyes, sturdynessis, dissenciouns and detraccions, preuy spechis of discord, bolnyngis bi pride, debatis ben among you;
21 Ee, ke boifa gore fa ke tla Modimo o tlaa nkokobetsa fa pele ga lona mme ke tlaa utlwa botlhoko ke bo ke hutsafala ka gore ba le bantsi ba lona ba ba leofileng ke baleofi ebile ga ba na sepe le dilo tse di bosula tse di sa itshekeng tse lo di dirileng; dikeletso tsa lona tse di bosula, boaka, le go tseela ba bangwe basadi.
and lest eftsoone whanne Y come, God make me low anentis you, and Y biweile many of hem, that bifor synneden, and diden not penaunce on the vnclennesse, and fornicacioun, and vnchastite, that thei han don.

< Bakorintha II 12 >