< Bahebera 12 >

1 Mme ka re na le batho ba ba ntseng jalo ba le bantsi ba tumelo ba ba re lebeletseng ba le kwa ditilong tse di kwa godimo, a re apoleng sengwe le sengwe se se diang kgotsa se se re busetsang kwa morago, mme bogolo thata jang dibe tse di tshophelelang thata mo maotong a rona di bo di re digela fa fatshe; mme a re sianeng ka bopelotelele lobelo lo Modimo o lo beileng fa pele ga rona.
Ideoque et nos tantam habentes impositam nubem testium, deponentes omne pondus, et circumstans nos peccatum, per patientiam curramus ad propositum nobis certamen:
2 Tlhomang matlho a lona mo go Jesu, moeteledipele le moruti wa rona. O ne a ineela go swa loso lo lo tlhabisang ditlhong mo mokgorong ka ntlha ya boitumelo jo a neng a itse fa bo mo letetse kwa morago; mme jaanong o nna mo lefelong la tlotlo gaufi le setilo sa bogosi sa Modimo.
aspicientes in auctorem fidei, et consummatorem Jesum, qui proposito sibi gaudio sustinuit crucem, confusione contempta, atque in dextera sedis Dei sedet.
3 Fa lo batla go kgaogana le go ngodiega le go lapisega, akanyang ka bopelotelele ja gagwe ka nako e baleofi ba neng ba mo dira dilo tse di sa siamang.
Recogitate enim eum qui talem sustinuit a peccatoribus adversum semetipsum contradictionem: ut ne fatigemini, animis vestris deficientes.
4 Mme le gone, ga lo ise lo ke lo kgaratlhisanye le sebe le thaelo go fitlhelela lo fufula marothodi a madi.
Nondum enim usque ad sanguinem restitistis, adversus peccatum repugnantes:
5 A lo lebetse gotlhelele mafoko a kgothatso a Modimo o a lo reileng, lona bana ba One? Modimo o ne wa re, “Morwaaka, se kgopisege fa Morena a go otlhaya. Se kgobege marapo fa a go kaela fa o molato teng.
et obliti estis consolationis, quæ vobis tamquam filiis loquitur, dicens: Fili mi, noli negligere disciplinam Domini: neque fatigeris dum ab eo argueris.
6 Gonne fa a go otlhaya, go supa gore o a go rata. Fa a go betsa go supa gore o ngwana wa gagwe tota.”
Quem enim diligit Dominus, castigat: flagellat autem omnem filium, quem recipit.
7 Letla Modimo go go ruta, gonne o dira se rre mongwe le mongwe yo o lorato a se direlang bana ba gagwe. Ke mang yo o kileng a utlwa ka ngwana yo o iseng a ke a bo a otlhaiwe?
In disciplina perseverate. Tamquam filiis vobis offert se Deus: quis enim filius, quem non corripit pater?
8 Fa Modimo o sa go otlhae fa go tlhokega jaaka borabana bangwe ba otlhaya bana ba bone, moo go raya gore ga o ngwana wa Modimo tota gotlhelele, go raya gore ga o wa ba lolwapa lwa One tota.
quod si extra disciplinam estis, cujus participes facti sunt omnes: ergo adulteri, et non filii estis.
9 Ka re tlotla borraa rona mo lefatsheng, le fa ba re otlhaya, a ga re a tshwanela go ineela ka boitumelo mo go rutweng ke Modimo gore re tle re simolole go tshela tota.
Deinde patres quidem carnis nostræ, eruditores habuimus, et reverebamur eos, non multo magis obtemperabimus Patri spirituum, et vivemus?
10 Borraa rona ba lefatshe ba re rutile mo dingwageng di se kae, ba re direla gotlhe ka fa ba neng ba itse ka teng, mme kotlhao ya Modimo e siame ka malatsi otlhe ebile e re siametse, gore re tle re nne le seabe mo boitshepong jwa One.
Et illi quidem in tempore paucorum dierum, secundum voluntatem suam erudiebant nos: hic autem ad id quod utile est in recipiendo sanctificationem ejus.
11 Go otlhaiwa ga go monate fa go sa ntse go diragala, go utlwisa botlhoko! Mme kwa morago re ka bona maduo a gone, go gola mo kagisong mo kutlwelo botlhokong le mo bothong.
Omnis autem disciplina in præsenti quidem videtur non esse gaudii, sed mœroris: postea autem fructum pacatissimum exercitatis per eam, reddet justitiæ.
12 Ke gone ingapareleng thata ka diatla tsa lona tse di lapileng, emang lo nitame ka mangole a lona a a reketlang,
Propter quod remissas manus, et soluta genua erigite,
13 lo bo lo direle dinao tsa lona tsela e e tlhamaletseng e e borethe gore ba ba lo salang morago, le fa ba le bokoa ebile ba tlhotsa, ba seka ba wa ba ikgolafatsa, mme ba nonofe.
et gressus rectos facite pedibus vestris: ut non claudicans quis erret, magis autem sanetur.
14 Lekang go tswa gotlhelele mo dikomanong mme lo batle go tshela botshelo jo bo phepa jo bo itshepileng, gonne yo o seng boitshepo ga a kitla a bona Morena.
Pacem sequimini cum omnibus, et sanctimoniam, sine qua nemo videbit Deum:
15 Tlhokomelanang gore le fa e le ope wa lona a seka a palelwa ke go bona masego a Modimo. Itlhokomeleng gore bogalaka bope bo seka jwa mela mo go lona, gonne fa bo mela bo dira matshwenyego a matona, bo leswafatsa batho ba le bantsi mo matshelong a bone a semowa.
contemplantes nequis desit gratiæ Dei: ne qua radix amaritudinis sursum germinans impediat, et per illam inquinentur multi.
16 Itlhokomeleng gore le fa e le ope wa lona a seka a dira sebe sa boaka kgotsa a seka a nna kelotlhoko kaga Modimo jaaka Esau: o ne a rekisa botsalwa-pele jwa gagwe ka sejonyana se se kgorwang gangwe fela.
Ne quis fornicator, aut profanus ut Esau: qui propter unam escam vendidit primitiva sua:
17 Mme erile kwa morago, fa a batla ditshwanelo tseo gape, nako ya bo e setse e tsamaile, le fa tota a ne a lela dikeledi tse di botlhoko tsa boikwatlhao. Ke gone gakologelwang, lo bo lo ikele tlhoko.
scitote enim quoniam et postea cupiens hæreditare benedictionem, reprobatus est: non enim invenit pœnitentiæ locum, quamquam cum lacrimis inquisisset eam.
18 Ga lo ise lo ke lo lebagane le mathata a a tshosang, molelo o o dikgabo, kutlobotlhoko e e tlhakanyeng le go felelwa ke tsholofelo, lefifi le setsuatsue se se boitshegang, jaaka Baiseraela ba ne ba rakana le One kwa Thabeng ya Senai fa Modimo o ba neela melao ya One.
Non enim accessistis ad tractabilem montem, et accensibilem ignem, et turbinem, et caliginem, et procellam,
19 Gonne go ne ga nna tumo e e tshosang ya terompeta, le lentswe le le neng le na le molaetsa o o boitshegang, mo e leng gore batho ba ne ba kopa Modimo go khutlisa go bua.
et tubæ sonum, et vocem verborum, quam qui audierunt, excusaverunt se, ne eis fieret verbum.
20 Ba ne ba thetheekelela kwa morago ka fa taolong ya Modimo e e reng, le phologolo fa e ka ama thaba, e tshwanetse go swa.
Non enim portabant quod dicebatur: Et si bestia tetigerit montem, lapidabitur.
21 Moshe ka sebele erile fa a bona pono e e boitshegang eo a tshoga thata.
Et ita terribile erat quod videbatur. Moyses dixit: Exterritus sum, et tremebundus.
22 Mme lo tsile sentle mo Thabeng ya Siona, kwa motseng wa Modimo o o Tshelang, Jerusalema wa selegodimo, le kwa kokoanong ya baengele ba ba senang palo ba ba itumetseng;
Sed accessistis ad Sion montem, et civitatem Dei viventis, Jerusalem cælestem, et multorum millium angelorum frequentiam,
23 le kwa phuthegong, e e dirilweng ka botlhe ba ba kwadilweng mo legodimong; le kwa Modimong o o leng mosekisi wa botlhe; le kwa meweng ya ba ba kwa legodimong ba ba golotsweng, ba ba setseng ba ntlafaditswe;
et ecclesiam primitivorum, qui conscripti sunt in cælis, et judicem omnium Deum, et spiritus justorum perfectorum,
24 le kwa go Jesu ka sebele, yo o re lereditseng kgolagano e ncha ya gagwe e e hakgamatsang; le kwa mading a kgatsho a a itshwarelang ka kutlwelo botlhoko mo boemong jwa go ipusolosetsa jaaka madi a ga Abele.
et testamenti novi mediatorem Jesum, et sanguinis aspersionem melius loquentem quam Abel.
25 Ke gone bonang gore lo obamele ene yo o buang le lona. Gonne fa batho ba Iseraele ba ne ba se ka ba falola fa ba gana go reetsa Moshe yo o neng a ba tlhagisa a le mo lefatsheng, re mo diphatseng tse di setlhogo thata jang fa re gana go reetsa Modimo o o buang le rona o le kwa legodimong!
Videte ne recusetis loquentem. Si enim illi non effugerunt, recusantes eum, qui super terram loquebatur: multo magis nos, qui de cælis loquentem nobis avertimus.
26 Erile fa o bua o le kwa Thabeng ya Senai, lentswe la one la roromisa lefatshe, mme wa bua wa re, “Ka nako e e tlang ga ke kitla ke roromisa lefatshe fela, mme ke tlaa roromisa le magodimo.”
Cujus vox movit terram tunc: nunc autem repromittit, dicens: Adhuc semel, et ego movebo non solum terram, sed et cælum.
27 Ka go bua jaana Modimo o ne o raya gore o tlaa tlosa sengwe le sengwe se se senang motheo o o tiileng, gore go sale tse di sa reketleng fela.
Quod autem, Adhuc semel, dicit: declarat mobilium translationem tamquam factorum, ut maneant ea quæ sunt immobilia.
28 Ka re na le bogosi jo bo ka sekeng jwa senngwa ke sepe, a re itumediseng Modimo ka go o direla ka dipelo tse di lebogang, le ka poifo e e boitshepo le tshisimogo.
Itaque regnum immobile suscipientes, habemus gratiam: per quam serviamus placentes Deo, cum metu et reverentia.
29 Gonne Modimo wa rona ke molelo o o lailang.
Etenim Deus noster ignis consumens est.

< Bahebera 12 >