< Luke 17 >

1 Mme ya re ka letsatsi lengwe Jesu raya barutwa ba gagwe a re, “Go tlaa aga go le dithaelo tsa go leofa, mme a bo go latlhega motho yo o raelang.
イエス弟子たちに言ひ給ふ『躓物は必ず來らざるを得ず、されど之を來らす者は禍害なるかな。
2 Fa a ne a latlhetswe mo lewatleng ka lentswe le legolo le fapeletswe mo molaleng wa gagwe, o ne a ka bo a le botoka thata go na le go otlhaelwa go tlhokofatsa mewa ya ba bannye ba. Ke a lo tlhagisa! Kgalemela morwa-rrago fa a leofa mme o mo itshwarele fa a ipona molato.
この小き者の一人を躓かするよりは、寧ろ碾臼の石を頸に懸けられて、海に投げ入れられんかた善きなり。
3
汝 等みづから心せよ。もし汝の兄弟 罪を犯さば、これを戒めよ。もし悔改めなば之をゆるせ。
4 Le fa a go leofela ga supa ka letsatsi mme nako nngwe le nngwe a boela go wena a kopa maitshwarelo, mo itshwarele.”
もし一日に七度なんぢに罪を犯し、七たび「悔改む」と言ひて、汝に歸らば之をゆるせ』
5 Ka letsatsi lengwe Baaposetoloi ba raya Morena ba re, “Re tlhoka tumelo e kgolo; re ka e bona jang?”
使徒たち主に言ふ『われらの信仰を増したまへ』
6 Jesu a ba araba a re, “Fa tumelo ya lona e le selekanyo sa peo ya mosetara, e tlaa bo e le kgolo thata go kumula setlhare se se kwa sele sa mosikamine le go se tlhoma mo teng ga lewatle! Taolo ya lona e ne e ka diragala ka bofefo!
主いひ給ふ『もし芥種 一粒ほどの信仰あらば、此の桑の樹に「拔けて海に植れ」と言ふとも汝らに從ふべし。
7 Fa motlhanka a tswa go lema kgotsa a tswa go disa dinku, ga a nne fela fa fatshe a a ja, mme pele o baakanyetsa mong wa gagwe dijo tsa maitseboa pele ga a a ja tsa gagwe. Mme ga a lebogwe, gonne o dira se a tshwanetseng go se dira.
汝 等のうち誰か或は耕し、或は牧する僕を有たんに、その僕 畑より歸りたる時、これに對ひて「直ちに來り食に就け」と言ふ者あらんや。
8
反つて「わが夕餐の備をなし、我が飮食するあひだ、帶して給仕せよ、然る後に、なんぢ飮食すべし」と言ふにあらずや。
9
僕、命ぜられし事を爲したればとて、主人これに謝すべきか。
10 Fela jalo, fa lo nkutlwa, ga lo a tshwanela go galalediwa. Gonne lo dirile tiro ya lona!”
かくのごとく汝らも命ぜられし事をことごとく爲したる時「われらは無 益なる僕なり、爲すべき事を爲したるのみ」と言へ』
11 E rile ba ntse ba tsweletse mo loetong lwa go ya Jerusalema, ba tsena fa molelwaneng o o fa gare ga Galalea le Samarea,
イエス、エルサレムに往かんとて、サマリヤとガリラヤとの間をとほり、
12 mme ya re ba tsena mo motsaneng oo, baleperwa ba le some ba bo ba emetse kwa kgakajana,
或 村に入り給ふとき、十 人の癩病人これに遇ひて、遙に立ち止り、
13 ba goa ba re, “Jesu, Morena, re utlwele botlhoko!”
聲を揚げて言ふ『君イエスよ、我らを憫みたまへ』
14 Mme a ba leba a re, “Tsamayang lo ye kwa moperesiting wa Sejuta lo mo supegetse gore lo fodisitswe!” Mme ya re ba tsamaya, boleperwa jwa bone jwa nyelela!
イエス之を見て言ひたまふ『なんぢら往きて身を祭司らに見せよ』彼ら往く間に潔められたり。
15 Mme mongwe wa bone a boela kwa go Jesu a goa a re, “A go galalediwe Modimo, ke fodisitswe!”
その中の一人、おのが醫されたるを見て、大聲に神を崇めつつ歸りきたり、
16 A wela fa fatshe fa pele ga dinao tsa ga Jesu, a lebile fa fatshe mo loroleng a lebogela se a se dirileng. Monna yo e ne e le Mosamarea yo o nyatsegileng.
イエスの足下に平伏して謝す。これはサマリヤ人なり。
17 Mme Jesu a botsa a re, “A ga ke a fodisa banna ba le lesome? Ba ba ferang bongwe ba kae?
イエス答へて言ひたまふ『十 人みな潔められしならずや、九 人は何處に在るか。
18 A ke Modichaba yo fela yo o boileng go tla go galaletsa Modimo?”
この他國人のほかは、神に榮光を歸せんとて歸りきたる者なきか』
19 Mme Jesu a mo raya a re, “Ema o tsamaye tumelo ya gago e go fodisitse.”
かくて之に言ひたまふ『起ちて往け、なんぢの信仰なんぢを救へり』
20 Mme ya re ka letsatsi lengwe Bafarasai ba botsa Jesu ba re, “Bogosi jwa Modimo bo tlaa simologa leng? Jesu a ba fetola a re, Bogosi jwa Modimo ga bo tle ka ditshupo tse di bonalang.
神の國の何時きたるべきかをパリサイ人に問はれし時、イエス答へて言ひたまふ『神の國は見ゆべき状にて來らず。
21 Ga lo ka ke lwa kgona gore lo re, ‘Bo simologile fano mo lefelong le kgotsa kwa ntlheng ele ya lefatshe’. Gonne Bogosi jwa Modimo bo mo go lona.”
また「視よ、此處に在り」「彼處に在り」と人々 言はざるべし。視よ、神の國は汝らの中に在るなり』
22 Mme morago a bua gape kaga selo se le barutwa ba gagwe. A ba raya a re, “Lobaka lo e tla lo lo tlaa ntlhoafalelang ka lone go nna le lona le fa e le letsatsi le le lengwe fela mme ke tlaa bo ke seyo fa.”
かくて弟子たちに言ひ給ふ『なんぢら人の子の日の一日を見んと思ふ日きたらん、されど見ることを得じ。
23 “Dipolelo di tlaa tla mo go lona tsa gore ke boile le gore ke mo lefelong le kgotsa le; mme lo se ka lwa di dumela kgotsa lwa ya go mpatla.
そのとき人々なんぢらに「見よ彼處に、見よ此處に」と言はん、されど往くな、從ふな。
24 Gonne e tlaa re fa ke boa, lo tlaa itse kwa ntle ga pelaelo epe. Ke tlaa bo ke tshwana le logadima lo lo phatsimang go kgabaganya loapi.
それ電光の天の彼方より閃きて、天の此方に輝くごとく、人の子もその日には然あるべし。
25 Mme pele ke tshwanetse go sotlega thata le go ganwa ke sechaba se sotlhe.
されど人の子は先づ多くの苦難を受け、かつ今の代に棄てらるべきなり。
26 “[E tlaa re fa ke boa] lefatshe le tlaa [tlhokomologa dilo tsa Modimo] jaaka batho ba lobaka lwa ga Noa.
ノアの日にありし如く、人の子の日にも然あるべし。
27 Ba ne ba a ja, ba a nwa, ba nyala, sengwe le sengwe se siame go fitlhelela letsatsi le Noa o neng a tsena mo tlung e e kokobalang ka lone mme morwalela wa tla wa senya botlhe.
ノア方舟に入る日までは、人々 飮み食ひ娶り嫁ぎなど爲たりしが、洪水きたりて彼 等をことごとく滅せり。
28 “Mme lefatshe le tlaa nna jaaka mo metlheng ya ga Lote: Batho ba ne ba dira ditiro tsa bone tsa letsatsi le letsatsi, ba a nwa ba a ja, ba reka ba rekisa, ba tlhoma ditlhare ba aga,
ロトの日にも斯くのごとく、人々 飮み食ひ、賣り買ひ、植ゑつけ、家 造りなど爲たりしが、
29 go fitlhelela mo mosong o Lote o neng a tswa mo Sodoma. Hong molelo le sebabole tse di neng di tswa kwa legodimong tsa ba nyeletsa botlhe.
ロトのソドムを出でし日に、天より火と硫黄と降りて、彼 等をことごとく滅せり。
30 Ee, go tlaa ‘bo go berekwa’ jaaka gale go fitlhelela lobaka lwa go boa ga me.
人の子の顯るる日にも、その如くなるべし。
31 “Ba ba tlaa bong ba se mo lwapeng ka letsatsi leo ba seka ba ya go phutha; ba ba mo nageng ba se ka ba boela kwa motsing.
その日には、人もし屋の上にをりて、器 物 家の内にあらば、之を取らんとて下るな。畑にをる者も同じく歸るな。
32 Gakologelwang se se neng sa diragalela mosadi wa ga Lote!
ロトの妻を憶へ。
33 Le fa e le mang yo o ngaparetseng botshelo jwa gagwe bo tlaa mo latlhegela mme le fa e le mang yo o latlhegelwang ke botshelo jwa gagwe o tlaa bo boloka.
おほよそ己が生命を全うせんとする者はこれを失ひ、失ふ者はこれを保つべし。
34 Mo bosigong joo banna ba le babedi ba tlaa bo ba robetse mo tlung e le nngwe mme mongwe o tlaa tsewa yo mongwe a tlogelwe.
われ汝らに告ぐ、その夜ふたりの男、一つ寢臺に居らんに、一人は取られ一人は遣されん。
35 Basadi ba le babedi ba tlaa bo ba dira botlhe mo tlung; yo mongwe o tlaa tsewa, yo mongwe o tlaa tlogelwa; mme go tlaa nna fela jalo mo banneng ba ba dirang ba bapile mo tshimong.”
二人の女ともに臼ひき居らんに、一人は取られ一人は遣されん』
[なし]
37 Mme barutwa ba botsa ba re, “Morena, ba tlaa bo ba isiwa kae?” Jesu a fetola a re, “Kwa setoto se leng gone, manong a phuthegela gone!”
弟子たち答へて言ふ『主よ、それは何處ぞ』イエス言ひたまふ『屍體のある處には鷲も亦あつまらん』

< Luke 17 >